Mabogo Dinku a Thebana- Botswana Railways e Tsweledisa Kgolaganno ya Yone le Sekolo sa Madiba Senior

Monday, February 12, 2018

Kgaisano ya ngwaga le ngwaga ya polelo ya Setswana e e rotloediwang ke kompone ya Botswana Railways, e e kwalwang ke baithuti ba sekolo se segolwane sa Madiba Senior, e kwalwa ke mophato wa bone e ne e ngokile baithuti ba le masome a mabedi le bone ngwaga o o fetileng.
Kgaisano e, e ne e kwalwa ka fa tlase ga setlhogo se se reng””Kompone ya mesepele ya diterena e na le seabe mo go tokafatseng matshelo a banni ba Mahalapye le itsholelo mo motseng”.
Erile a kgothatsha baithuti, Mogolwane wa Botswana Railways, Rre Semabale Tladi o ne a rotloetsa baithuti go tsaya dithuto tsa bone ka tlhwaafalo bogolo jang dithuto tsa Setswana tse go lebegang bana ba sa tsenye marapo mo go tsone, baithuti ba nyelelelwa ke go bua puo ya Setswana le go e kwala.

“Botswana Railways ga ya itebaganya hela le kgaisanyo e fela mme e rotloetsa gape le sekolo se se dirileng sentle mo mophatong wa boraro mo dikolong tse di fa gare, (junior) tsa kgaolo ya Mahalapye/ Shoshong ka dikete tse thano tsa dipula” ga bua rre Tladi.
Fa a tswa la gagwe, Mogokgo wa sekolo sa Madiba Rre Tshupelo Tshupelo o ne a nesetsa pula tirisanyo mmogo ya sekolo sa Madiba le Kompone ya Botswana Railways. A re tirisanyo e, e  thusitse gore sekole sa Madiba se tseye maemo a bobedi mo lefatsheng ka bophara mo dithutong tsa Setswana ka ngwaga wa 2016. Thulaganyo e, ya go rotloetsa go kwala polelo ka Setswana e simologile ka ngwana wa 2001.
Kabo dimpho e ne e tshwaretswe kwa ntlo lehalahala ya Sekolo kwa baithuti ba neng ba atswiwa ka dimpho tse di farologanyeng go lebilwe maemo a ba a tsereng jaaka ba ne ba itaisana barathana. Dimpho tse tsothe di lopile madi dikete tse tlhano tsa dipula.
 

Botswana Railways Offices

Mahalapye Main Road

Mowana Ward

 

Private Bag 0052

Mahalapye

Botswana

 

T - +2674711375

F - +2674711385

E - infoatbotrail [dot] bw
BR Express bookingsatbotrail [dot] bw

Follow Us on Social Media