Kompone Ya GABCON e Abela Rre Ntshielang Ntlo

Wednesday, September 6, 2017

E rile fa Ofisi ya ga Tautona wa Botswana e thaba mokgosi gore setshaba sa Botswana se eme ka dinao se bolotse ntwa go nyeletsa lehuma le go busetsa seriti sa sika loo motho, mafoko a a seka wa tswewa ke phefo fela. Mafoko a go lebega Batswana ka kakaretso ga mmogo le maphata a mangwe a puso le dikompone tse di ikemetseng ka nosi di amogetse mafoko a ka tsebe tsoo pedi.

Botswana Railways e ne ya sega tema ka ngwaga wa 2014 fa e ne e agela motlhoki ntlo ko motsheng wa Pallaroad kana Dinokwe jaaka ba bangwe ba o bitsa. Ga go a tsaya sebaka se seleele ba kompone ya Gaborone Container Terminal (GABCON), ba ne ba ganetsa Setswana se bangwe ba eteng ba se bue sa gore tladi ga e ke e ratha golo gole gongwe gabedi. GABCON e le nngwe ya dikompone tse di ka fa tlase ga Botswana Railways le yone ya tisa monyenyo gape mo sefatlheng sa moagi mongwe mo motseng wa Pallaroad.

Ene yare ka tsatsi Laboraro, Lwetse a tlhola malatsi a le marataro monongwaga;  kompone ya Gabcon le ba Ofisi ya ga Tautona ba rwala ditlhako  go leba ko motseng wa Dinokwe/Palla Road. Letsatsi le ene ele lele haphegileng mo go Rre John Ntshielang fa ane a abelwa ntlo ya bonno.

Mookamedi wa kompone ya Gabcon, Mme Lesedi Moakofhi o tlhalositse fa go le maleba go leboga ba Ofisi ya ga Tautona go bo ba kaeditse Rre John Ntshielang le gone go ba lemotsha letlhoko la gagwe. Mme Moakofhi o boletse gape gore go nnile motlhofo mo go bone  go re e re ba Ofisi ya ga Tautona ba ntse le dira maiteko a go nyeletsa lehuma le  go tsholetsa matshelo a batlhoki, le bone ba ikitaya ka thupana go rotloetsa lenaneo le le haphegileng le.

O tsweletse a re e kete dikompone di ka dira go feta fa go thusa ba Ofisi ya ga Tautona mo maitlamong a bone a go thusa ba senang bonno le ba tshelelang mo lehumeng. Mookamedi o ne a re, GABCON e lemoga botlhokwa jwa go tsholetsa matshelo a Batswana ka jalo ba ikemiseditse go direla setshaba le go kgaogana dikatso tsa bone go thusa puso go nyeletsa lehuma. A re ba dumela gore tsela e ya neelano e molemo ebile e bopa lehatshe.

Mme Moakofhi o ne gape a leboga go menagane botlhe ba ba nnileng le seabe mo go thuseng go dira tiro e kgolo e ba e dirileng e.  Mo go bone o ne a leboga ba kompone ya EGW ee ntshitseng setilo le tafole tse di lopileng madi a  kanang ka P5500, Pullies Team e e ntshitseng bolao le dikoboto tse di lopileng madi a P5000 le Keriotic e e ntshitseng sekete (P1000) go ka dirisiwa go reka dijo tsa ga rre Ntshielang. Ntlo yone e lopile madi a a kanang ka P90 000.

Botswana Railways Offices

Mahalapye Main Road

Mowana Ward

 

Private Bag 0052

Mahalapye

Botswana

 

T - +2674711375

F - +2674711385

E - infoatbotrail [dot] bw
BR Express bookingsatbotrail [dot] bw

Follow Us on Social Media