Tirisano mmogo e botlhokwa mo go Lwantsheng Mogare wa HIV/AIDS

Tuesday, November 15, 2016

Kgosi Masego Olebile, are go botlhokwa go nna le tirisano mmogo e ntle fa gare ga banale seabe mo thwantshong ya Mogare wa HIV le bolwetsi jwa AIDS.O buile se ka letsatsi la Labotlhano Phatwe a thola lesome le bobedi kwa Motseng wa Palapye fa ane a amogela batsenelela Segopotso sa Moletlo wa Candle light o o neng le rulagantswe ke ba Botswana Railways ba tshwaragane le banni ba motse wa Palapye.

Kgosi Olebile are Manokonoko a mogare wa HIV le bolwetsi jwa AIDS a kokonetse sechaba ke sone ka se a nesetsang pula megopolo yotlhe ee dirwang ke Puso, Maphatha a Puso ka go farologana go lwantsha kanamo ya mogare o.Kgosi one a gwetlha sechaba go fokotsa kanamo le go tshegetsa ba ba setseng ba tshela ka mogare o.Are se ka thusa Goromente gore a kgone go lebagana le go tlhabolola mehama e mengwe e e farologanyeng e e ka tokafatsang matshelo a Batswana.

Fa a ama ntlha ya thibelo, okaile fa Batswana ba tshwanetse go dirisa mananeo a puso a teng go lwantsha thibelo le kanamo ya mogare HIV.

Fa a tswa la gagwe, Moemedi wa Mookamedi wa Botswana Railways Rre Semabale Tladi are ele Boeteledipele ba rotoetsa babereki go nna tlhaga mo mererong ya HIV/AIDS maikaelelo e le go fithelela chaba e e senang mogare gotlhelele.Are ba kgona se ka go ruta babereki ka ditlamorago tsa go tshela ka mogare wa HIV le go fedisa kgethololo mo malwapeng a a setseng a amilwe  ke mogare wa HIV.O ile  a tlhalosa fa Botswana Railways e kgona ntwa e ka go bereka le makalana a  Botsogo jaaka  Tebelopele Voluntary Counselling and Testing Centre le ba Dipatela tsa Goromente.

Maikaelelo a segopotso se ene ele go ruta,go rotoetsa le go dirisanya le bana le seabe mo dikganyeng tse di amanang le thibelo le twantsho bolwetsi jwa HIV/AIDS. Ditiragalo tsa letsatsi di ne di akaretsa go tshubiwa ga dikerese mo goneng go eteletswe pele ke Mooki Mogolo wa Sepatela sa Palapye Mme Susan Pono.Se ene ele go gopola baba re tlogetseng ka ntlha ya Bolwetsi jwa  AIDS.Segopotso se se ne se tsenwe ke Kgosi wa Palapye Rre Masego Olebile,Mothusa Molaodi wa kgaolo ya Legare Rre Enerst Phiri,Boeteledi pele le Babereki jwa Botswana Railways gammogo le Banni ba Motse wa Palapye.

 

Botswana Railways Offices

Mahalapye Main Road

Mowana Ward

 

Private Bag 0052

Mahalapye

Botswana

 

T - +2674711375

F - +2674711385

E - infoatbotrail [dot] bw
BR Express bookingsatbotrail [dot] bw

Follow Us on Social Media